You are on page 1of 32

Mophato 3 Bukana ya Thutapuo

Mma oshale Pitinyane


Pearson Education Botswana (Pty) Ltd
(Longman and Heinemann)
PO Box 1083, Gaborone, Botswana
Plot 14386, New Lobatse Road, Gaborone, West Industrial Site
Botswana

Longman is an imprint of Pearson Education Botswana (Pty) Ltd

Pearson Education Botswana (Pty) Ltd

All rights reserved. No part of this publication may be reproduced, stored


in a retrieval system or transmitted in any form or by any means, electronic,
mechanical, photocopying, recording, or otherwise, without the prior
permission of the publishers.

First published in 2011

ISBN 978-99912-929-8-4

Cover design by Firebrand


Typesetting by Nazley Samsodien
Reproduction by
Printed by

It is illegal to photocopy any page of this book without the written permission
of the copyright holder.

Every effort has been made to trace the copyright holders. In the event of
unintentional omissions or errors, any information which would enable the
publisher to make the proper arrangements will be appreciated.
Diteng

Malomatsebe 5

Dikarolo tsa puo 6


Leina . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 6
Leemedi . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 10
Lediri . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 11
Tlhaodi . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 14
Letlhalosi . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 17
Lekopanyi . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 19
Lelatlhelwa . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 20
Leetsisi . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 22

Tiriso ya dikarolo tsa puo 25

Molokololo wa seele 27

Ngotlo ya dikarolo tsa puo 28

Bokao jwa dikarolo tsa puo 31

Go logagana ga puo 32
Malomatsebe

Malomatsebe
Puo e agiwa ka go tshwaraganya dikarolo tsa puo go fetisa
molaetsa o o batlegang. Bangwe baithuti ba a tle ba ipotsake
dipotso tsa gore tota puo, bogolo jang ya Setswana e
ithutelwang bogolo jang ka gore e buiwa letsatsi le letsatsi.
Heela! Puo e monate bogolo jang fa e ka agiwa ke batho ba ba
nang le bokgoni jwa go e loga ka botswerere. Ka na mafoko a
tshwaraganngwa go bopa diejana le dikarolo tsa puo; diejana
di bo di golaganngwa ka bokgabane go aga diele tse di nang
le bokao. Diele tsone di bo di logiwa ka neelano le nyalano
ya tsone go dira temana. Temana e e tshwanetse go nna le
mogopolo wa konokono o go a tleng gotwe ke ntlhakgolo
ya temana eo. Temana e e megopolo e phatlaletseng e a bo
e sa betliwa sentle ka gore temana e tshwanetse go agiwa ka
mogopolo o le mongwe fela. Jaanong kwa bofelong ditemana
tsone di rulaganngwe sentle go aga dipuiso, dipego, dipolelo,
dikwalo le tsone dipuisano tota. Fa re bua ka thutapuo re bua
fela ka go tshwaraganya mafoko gore kwa bofelong re nne le
melaetsa e e farologaneng.
Itumeleleng go ithuta puo!

5
Dikarolo tsa puo

Dikarolo tsa puo


Fa re ithuta puo ya Setswana re remelela thata mo dikarolong
tsa puo di akaretsa leina, leemedi, lediri, tlhaodi, letlhalosi,
lekopanyi, lelatlhelwa, leetsisi. Mo godimo ga moo re bo re
akaretsa sediri, tiri le sedirwa tse e leng boremelelo jwa tiriso
ya dikarolo tsa puo.

Leina
Leina ke karolo ya puo e e bitsang sengwe. Go ka twe leina
go tewa lereo la selo se tshela kgotsa se sa tshele. Leina le ka
dirisiwa go bitsa batho, diphologolo, dimela, mafelo le dilo tse
dintsi tse di farologaneng.

Dikai
yy Bana ba thuga mabele.
yy Monna yole ke mongwe wa rona.
yy Kabelo o agelela lesaka.
yy Dinaka tsa kgomo ele di masoke.
yy Nkwe e jele dinamane maabane.

Mo dikaing tse di fa godimo mafoko a a mmala a bidiwa


maina.
Mefuta ya maina
Leina le na le mefuta e e farologaneng.

1. Mainatota
Mainatota ke maina a a bitsang selo tota go tlhamaletse
go sa akarediwe. Motho, lefelo kgotsa seruiwa sengwe le
sengwe se na le leina la sone. Maina a, ke one a gotweng
ke maina tota. Leinatota le tshwanetse go simolola ka
tlhakakgolo ka dinako tsotlhe.

Dikai
yy Kama le Mpii ba tlhagola tshimo.
yy Tsamaya o ye go bitsa Dineo.
yy Tonki ya rona e go tweng Brown e goga go di gaisa tsotlhe.

6
Dikarolo tsa puo

yy Baithuti ba ga Mmadikatse ba fentse ditlhatlhobo fela


botlhe.
yy Kgomo ya gagwe Reifole e tsala mahatlha ngwaga le
ngwaga.

Mafoko a a mmala ke mainatota a se go buiwang ka sone, se


tota se bidiwang jalo ka leina leo.

2. Mainagoka
Mainagoka ke maina a a bopilweng ka go gokaganya
dikarolo tse dingwe tsa puo.

Dikai
Leina le leina
yy Bana ba tshositswe ke nogapotsane.
yy Dikabelo o thata tota, ke lone tota lentswetshipi.
yy Maebarope a tlhasetse mabele a ga malome.

Leina le letlhaodi
yy Monnamogolo yole o sa ntse a itekanetse.
yy Ba mo tlhophile tautona gape.
yy Go laleditswe bannabagolo le basadibagolo fela go
tsenelela khuduthamaga.

Leina le letlhalosi
yy Ga ke utlwane le ene ka gore o rata go tla bosigogare.
yy Botlhogoethata jwa gagwe bo tla mo isa kgolegelong.
yy Tebo o ratwa ke batho ka ntlha ya bopelonomi jwa
gagwe.

Lediri le lediri
yy Yo go tweng Karabo yo, ke majaaitshutlha bona fela
jaaka a itlhonegile.
yy Lona nako le nako le kgotletsa go setse go butswa ke
lona o ka reng go ka twe le bomabinagotsholwa.
yy Rraagwe ene ga a mo kgetholole le ntswa batho ba
mmitsa setlaseanya.

7
Dikarolo tsa puo

Lediri le leina
yy Malatsi ano ditimamolelo di dintsi.
yy Mojaboswa wa ga rakgadi ke Bele.
yy Basimane ba lelekile lekgaolatshega.

Lediri le letlhalosi
yy Ba tlhophile Kabo go nna mojamorago.
yy Fa ba ya masimo ka malatsi a boitapoloso go nna le
mosalagae.

Lediri le letlhaodi
yy Ngwana o lomilwe ke selomabasetlha.
yy Mo lese a bue rra, ka na mmualebe o a bo a bua la
gagwe.

Lediri le lesoboki
yy O tlhomola pelo ka gore nako tsotlhe ke ene
monnanosi.
yy Dineo o fentse ditlhatlhobo ka gore ke maitsegotlhe.

3. Mainagoboka
Mainagoboka ke maina a a bitsang dilo ka go di goboka
kgotsa ka tshoboko ya tsone. Gantsi a fa bokao jwa gore
se go buiwang ka sone se a bo se le sentsi thata.

Dikai
yy Dihutshane tsa gagwe di nonne.
yy Banyana o tlile a rwele ngata ya dikgong.
yy Ka phitlho ya gagwe go ne go tlile matshwititshwiti a
batho.
yy Modisa o timeditse letsomane.
yy Bana ba gagwe ba tlhasetse leretlwa le le gaufi le bone.
yy Mogokgo o iteile tshimane a bo a tlogela tshetsana fela.

4. Mainakgopolo
Mainakgopolo ke maina a go ka tweng a a fopholetsa,
ke gore a bitsa selo se mme tota o ka sekeng wa se bona
kgotsa wa se tshwara. Go a tle go twe ke maina a dilo tse
di akanyediwang.

8
Dikarolo tsa puo

Dikai
yy Baithuti ba tsere loeto lo lo leele.
yy Mosepele wa rona o ne o le monate.
yy Morutabana o tsere kgang le baithuti.

5. Maina a a adimilweng
Maina a a adimilweng ke maina a a tswang mo dipuong
tse e seng Setswana. Maina a mofuta o a kwalwa ka
Setswana mme tota one tlholego ya one a tswa mo
dipuong tse dingwe.

Dikai
yy Ba rekile mothine o o phothang.
yy Dikgomo di swetse gaufi le seporo.
yy Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a
kwa godimo.
yy Ngwana wa gagwe wa mosetsana ke moengele.
yy Borokgwe jwa gagwe ke jwa mabono.

Tiriso ya leina
Leina le ka dirisiwa jaaka Sediri le Sedirwa mo seeleng.

Leina le dirisitswe jaaka Sediri

Dikai
yy Pule o bolaya dikoko.
yy Mosadimogolo o goga motsokwe.
yy Dihutshane tse dinnye di timetse maloba.
yy Lobelo lwa bone lo ne lo kgatlha.
yy Mothine o moa o gaitse mabele thata.

Leina le dirisitswe jaaka Sedirwa

Dikai
yy Mmaeale o rata Thabiso.
yy Mmasepoto o bolaile madi.
yy Mosimane o timeditse letsomane.
yy Bana ba sekolo ba tseneletse khuduthamaga.

9
Dikarolo tsa puo

yy Bagwegadi ba tsere loeto lo lo leele.


yy Banna ba kgaotse lebante la ngwana.

Leemedi
Ela tlhoko Leemedi ke karolo ya puo e e dirisiwang boemong ja leina.
Go ka twe le emela leina mo seeleng.
Leemedi le ka dirisiwa
fela fa go dirisitswe
Dikai
leina pele. Leemedi fa
yy Dikgomo di fula bojang. Tsone di fula jone.
le dirisitswe le leina, le
yy Baphuthegi ba galaletsa Modimo. Bone ba galaletsa
fa bokao jwa go
one.
gatelela.
yy Bana ba sekolo ba rata dikgobe Bone ba sekolo ba
a) Neo o apaya
rata tsone.
bogobe.
b) Ene o apaya jone
Mafoko a a mmala ke maemedi a maina a a dirisitsweng mo
(leemedi le emela
dieleng.
leina).
c) Ene Neo o apaya
Leemedi le le lengwe le ka dirisiwa go emela maina a a
jone bogobe
farogaloneng.
(leemedi le kaya
kgatelelo).
BoRamotobosi fa ba tsena kwa masimo, ba fitlhetse ntlo
ya bone e jelwe ke molelo. Ene Ramotobosi o ne a tshoga
fa a tla go lemoga gore molelo one oo, o ne o tukisiwa ke
basimanyana. Ramotobosi o ne a tsenelela basimanyana bao
ka moretlwa mekwatla ya bone ya ba ya ruruga. Yone tiragalo
ya mofuta o, e ne e tlwaelesegile go diragala mo merakeng.
Batsadi ba bone ba ne ba atlholwa go duela ditshenyegelo tsa
ntlo, le fa le yone ntlo ya teng e ne e le gaufi le go phutlhama.
E ne ya re go tloga foo bana ba a kgwa lethe ba bo ba le
thelela.

Mo temaneng e e fa godimo leemedi /bone/ le dirisitswe go


emela maina BoRamotobosi le basimanyana.

/yone/ le dirisitswe go emela tiragalo le ntlo.

10
Dikarolo tsa puo

Moalo o o fa tlase o supa ka fa leemedi le le lengwe le ka


emelang maina a le mmalwa ka teng.

Lone One Bone Sone Tsone Yone Ene Jone


Logong Molapo Batho Setlhare Dikgomo Nku Mosimane Botlhale
Lerako Molamu Basadi Selepe Dijalo Katse Morutabana Bogobe
Leferefere Moretlwa Banna Sebokolodi Dingaka Pensele Mohiri Bothata
Legapu Mosepele Baruti Seledu Dibuka Metlakase Moletlanyi Botsipa
Loso Molelo Balemisi Sekolo Dinaledi Megoma Morongwa boloko

Lediri
Lediri ke karolo ya puo e e supang tiro e e dirwang mo
seeleng. Lediri ke lefoko le le lemotshang gore tiro nngwe e
dirwa ke motho kgotsa sengwe mo seeleng.

Dikai
yy Basimane ba gama dikgomo.
yy Katse e ja peba.
yy Borre ba rutlolola motlaagana.

Mafoko a a mmala a supa tiro e e dirwang mo dieleng ka jalo


a bidiwa madiri.

Mefuta ya lediri
1. Madiri a tlholego
Ke madiri a a tlholegileng fela a supa tiro. Madiri a, ke
mafoko a a sa tsweng mo dikarolong dipe tsa puo.

Dikai
yy Bokgwathe ba alola basimane.
yy Balemi ba suga dikgole.
yy Thabiso o apaya sengana.
yy Bana ba itse Setswana.

2. Madirimatswa
Madirimatswa ke madiri a go gokeletsweng megatlana ka
go farologana mo meding ya madiri a tlholego mme a bo

11
Dikarolo tsa puo

Ela tlhoko a sa latlhe bokao jwa tiro e e dirwang. Fela jaaka leina le
tlhalosa (madiri-matswa) go tewa madiri a a tswang mo
Go na le mabaka a a ka
go a mangwe.
fetolang lediri mme
bokao bo sala fela bo Sekai
sa fetoge. Mabaka a ke (aga > ag elel a)
fa go dirisiwa lediri mo
bontsing, paka pheti le Dikai
fa go dirisiwa yy Basimane ba agelela lesaka.
tlhogwana ya leitiri. yy O ne a mo tlhatswisa dikobo.
yy Bana ba ke diphekgwa, utlwa fela jaaka ba fetolana ka
mafoko.
yy Lesa go ragaka yo mongwe monna.
yy Lebaleba tlhe gore selabe se kgone go tswa sentle.

Bontsi
yy Bana ke lona, apayang dikgobe tseo ka pitsa e tona.
yy Ke ne ke re alololang diphate tseo.
yy Tsamayang lo ye go kgetla thupa ke tle ke lo otlhaye.

Paka pheti
yy Bana ba apeile dikgobe.
yy Dipodi di jele dijalo tsa baithuti.
yy Dikgomo di kgotshe bojang e bile di robetse.

Tlhogwana ya leitiri
yy Malata a ithuna dinta a ile kgonnye.
yy Bona jaaka nta e itatswa.
yy Bana ba ithuta Setswana e seng sekgoa.
yy Mokganedi o ne a ikama ka seikamo sa me.

Lediri le ka dirisiwa mo dipakeng tse di farologaneng.


Paka jaanong
Dikai
yy Malome o betsa bana.
yy Kgomo e raga namane.
yy Dineo o a ja.
yy Banna ba a lema.
yy Tonkana e anya mmaayo.

12
Dikarolo tsa puo

Paka jaanong tsweletso Ela tlhoko


Dikai Dipaka di
yy Bana ba sa ntse ba a ja. farologanngwa ke
yy Kgosi e sa ntse e bua le morafe. mabopi a a
yy Ke sa ntse ke nwa tee. dirisitsweng.

Dipaka Mabopi
Paka e e fetileng a dipaka
Dikai Paka a
yy Ba ne ba lwa. jaanong
yy Dikgomo di ne di nwa metsi. Paka e e ne
fetileng
yy Rakgadi o ne a batla ngwetsi.
Paka e e tla
tlang
Paka e e fetileng tsweletso Pakapheti -ile
Dikai Paka ya sa ntse
yy Basetsana ba ne ba sa ntse ba ja. tsweletso
yy Moithuti o ne a sa ntse a kwala ditlhatlhobo.
yy Di ne di sa ntse di fula.

Paka pheti
Dikai
yy Ba apeile dikgobe.
yy Ditonki di jele moroko.
yy Borrantweesane ba kgotshe mmidi.

Paka e e fetileng pheti


Dikai
yy Ke ne ke apeile.
yy Baithuti ba ne ba tsamaile le ene.
yy Di ne di amusitse marole.

Paka e e tlang
Dikai
yy Ke tlaa ja bogobe.
yy Diperekisi di tlaa gola fa pula e na.
yy Letsatsi le tlaa fisa thata ka moso.

13
Dikarolo tsa puo

Paka e e tlang tsweletso


Dikai
yy Kgosi o tla a bo a sa ntse a bua.
yy Nnake o tla a bo a tlhatswa.
yy Dikgomo di tla a bo di sa ntse di fula.
yy Mme o tla a bo a sa ntse a tlhagola.

Tlhaodi
Tlhaodi ke karolo ya puo e e tlhaolang kgotsa e e
farologanyang selo mo go tse dingwe.

Dikai
yy Bojang jo botala bo nkga monate.
yy Badisa ba bolaile podi e e tlhotsang.
yy Mosese wa sekolo o montle.
yy Dinku tsotlhe di tlhatlhetswe.
yy Ba lemile dipeo di sele.

Mafoko a a mmala mo dieleng tse di fa godimo ke tlhaodi.


A farologanya bojang, podi, mosese, dinku le dipeo le tse
dingwe tse di tshwanang le tsone.

Mefuta ya ditlhaodi
Go na le mefuta ya tlhaodi e bong:
a) Letlhaodi
b) Leamanyi
c) Lerui
d) Lebadi
e) Lesoboki

1. Letlhaodi
Letlhaodi ke tlhaodi e e tlhaolang kgotsa e e
farologanyang dilo ka palo, popego le mmala.

Dikai
yy Koko e elame mae a marataro fela.
yy Bakgatla ba bolaile dikgomo tse pedi kwa lenyalong.

14
Dikarolo tsa puo

yy Ke rata phaphatha e kima.


yy Kgosi o mo iteile ka thupa e tshesane.
yy Mosese o montsho ga o montle.
yy Bojang jo botala bo a kgatlhisa.

2. Leamanyi
Ke tlhaodi e e tlhaolang ka go amanya dilo. Le tlhaola ka
go dirisa dikarolo tsa puo ka go farologana.

Dikai
yy Lerapo le le thata ga le etlege motlhofo.
yy Banna ba bolaile podi e e makoro.
yy Ngwana yo o botlhale o ratwa ke barutabana.
yy Bana ba ba gogang ba tla a otlhaiwa.
yy Ba timeditse kgomo e e boramaga mo phatleng.
yy Mosadi yo o pelotlhomogi o belege batho.
yy Ba gapile dikgomo tse di digwetla fela.
yy Sethunya se se fa ntlong se nkga monate.

3. Lerui
Ke tlhaodi e e tlhaolang ka go supa thuo. Lerui le ka
kgaoganngwa gabedi.

i) Lerui-tota:
Lerui-tota ke fa go tlhaolwa sengwe mo go tse dingwe
go lebeletswe gore se ruilwe kgotsa se na le se se se
ruileng. Go nna le serui le seruiwa.

Dikai
yy Bana ba gagwe ba ile morakeng.
yy Dipotsane tsa ga Badisa di sutlhile.
yy Mabele a kgosi a mantsi.
yy Ditlhako tsa basadi di dintle.

Mafoko a a mmala ke lerui. Mo dikaing tse di fa godimo


lerui le ka kgaoganngwa jaana ka serui le seruiwa.

15
Dikarolo tsa puo

Serui Seruiwa
Ba gagwe Bana
Badisa Dipotsane
Kgosi Mabele
Basadi Ditlhako

ii) Lerui-letlhalosi
Lerui letlhalosi le tlhaola selo mo go tse dingwe ka go
tlhalosa mme le tlhalosa ka ditsela tse di farologaneng.

Dikai
yy Kopi ya tshipi e thata.
yy Bana ba ikantse ntlo ya thapelo fa go nna le dikgwetlho.
yy Dikgetsi tsa mabele di oletse.
yy Ntsalake o mphile lekapa la letlhodi ngogola.
yy Sametsi o dira mophato wa boraro kwa Sedumedi JSS.
yy Potsane ya Modimo e robegile mo go botlhoko.

iii) Lebadi
Lebadi le tlhaola ka go dirisa dithito /-ngwe/-sele/-
pe/-fe/-ng/.

Dikai
yy Nonyane nngwe e a tswidinya.
yy Monna mongwe o rema setlhare.
yy Ba tlhatlhetse dinamane di sele.
yy Rakgadi ga a tla le mosetsana ope.
yy Ga go setlolo sepe mo lebotleleng le.
yy Selepe sa gago ke sefe?
yy Bana ba kgetlile maungo afe?
yy E tsetse tsiang?
yy Wa re o tshotse selo seng ne wena?

Lesoboki
Ke tlhaodi e e tlhaolang ka go soboka e dirisa thito /-si/-le/-
tlhe/.

16
Dikarolo tsa puo

Dikai
yy Basetsana botlhe ba a opela.
yy Ba timeditse dihutshane tsotlhe.
yy Dikoko tsa me di thubile mae otlhe.
yy Go otlhailwe basimane bosi.
yy Dikokwana di le tsosi di kwa kutleng.

Tiriso ya tlhaodi
Gantsi tlhaodi e tla kwa morago ga sediri kgotsa sedirwa mo
seeleng.

1. Tlhaodi e dirisiwa go tlhaola sediri


yy Monna yo moleele o a rema.
yy Kgomo e e lesifi e a thula.
yy Dikatse tsa bone di a tena.
yy Bana botlhe ba ile sekolong.
yy Rre mongwe o a porofita.

2. Tlhaodi e dirisiwa go tlhaola sedirwa


yy Katse e bolaile dipeba tse pedi mo mosong.
yy Bagwe ba tlisitse dikgomo tse di makoro fa ba ntsha
bogadi.
yy Balemi ba bararo ba tlaa roba dijalo tse dintsi.
yy Mogokgo o iteile basimane botlhe.
yy Modisa o gamile podi e sele.
yy Mapodisi a tshwere mosetsana ofe?

Letlhalosi
Ke karolo ya puo e e dirisiwang go tlhalosa tiri/tiragalo. Le
tlhalosa gore tiragalo e diragala kae, leng le gore jang.

Dikai
yy Batsadi ba nna kwa masimo. (kae)
yy Basimane ba sekolo ba tla tlhatswa kgantele. (leng)
yy Monnamogolo o iteile ngwana jaana. (jang)

17
Dikarolo tsa puo

Matlhalosi fa a tlhalosa gore tiragalo e diragala kae a a bo a


tlhalosa felo. Fa a tlhalosa gore tiragalo e diragala leng a a bo
a tlhalosa nako mme fa a tlhalosa gore tiragalo e diragala jang
a a bo a tlhalosa mokgwa.

Mefuta ya matlhalosi
Go na le matlhalosi a tlholego le a e seng a tlholego.

1. Matlhalosi a tlholego
Ke matlhalosi a a tlholegileng fela a tlhalosa mo puong.

Dikai
yy Ba nna gaufi le kereke.
yy Di kobele kgakala le tshimo.
yy Rre o tla a tsamaya phakela.
yy Banyadi ba emeletse bosigo.
yy Baetsana ba kgabile tota.
yy Mosimane wa sekolo o taboga thata.

2. Matlhalosi a e seng a tlholego


Ke matlhalosi a a bopilweng go dirisiwa dikarolo tse
dingwe tsa puo jaaka maina le tlhaodi.

Dikai
yy Kgaitsadie o nyetse mosadi kwa Borolong.
yy Noga e tsene mo mosimeng.
yy Poo e bopa kwa ntle.
yy Re tla a tswala ka Sedimonthole.
yy Mosima o o epilwe ka peke.
yy Batsomi ba hudile ditholo gararo.
yy Dikonyana di tshameka le dipotsane mo lesakeng.

Tiriso ya letlhalosi mo puong


Gantsi letlhalosi fa le tlhalosa felo, mokgwa kana nako le a
bo le tlhalosa tiragalo kgotsa tiri. Le tshwanetse go tla kwa
morago ga tiri kgotsa tiragalo. Fa le sa tle kwa morago ga tiri
le a bo le sa dirisiwa ka fa tshwanelong.

18
Dikarolo tsa puo

Lebelela diele tse di mo moalong o:

Letlhalosi le dirisitswe sentle Letlhalosi le sa dirisiwa sentle


Ke ya masimo phakela. Phakela ke ya masimo.
Ba tsenye mo ntlong. Mo ntlong ba tsenye.
Nnanaso o a ja tota. Tota Nnanaso o a ja.

Lekopanyi
Lekopanyi ke karolo ya puo e e dirisiwang go aga puo kana go
kopanya diele le dikarolo tsa puo.

1. Lekopanyi le kopanya maina


Dikai
yy Ke ne ke ba apeetse borotho le nama.
yy Ba tlhabile dipodi kgotsa dinku?
yy Ke go tsholele setampa kana dikgobe?
yy Baithuti ba rata Setswana le sekgoa.

2. Lekopanyi le kopanya dikarolo tsa puo kgotsa diejana


Dikai
yy Baithuti ba a tlhodia e kete mamphorwana.
yy Mofenyi o taboga jaaka pitse.
yy Nta o a tlolatlola e kete ntlole.
yy Le gape e e lesifi e seng e e makoro.
yy O reke le magapu a mahibidu e bile a le mabedi.

3. Lekopanyi le kopanya diele


Dikai
yy Monaka o ile kgolegelong go bane o utswile.
yy Bana ba koko ba tsile mme ga ba e bona.
yy Pula e tla a na gonne e a solofetsa.
yy Wa re ke go fe madi boo ke a bereka.

Maemo a lekopanyi mo seeleng


Lekopanyi le ka dirisiwa kwa tshimologong, fa gare kana kwa
bofelong jwa seele.

19
Dikarolo tsa puo

1. Lekopanyi le dirisiwa kwa tshimologong ya seele


yy A itse batho ba rata dilo tsa batho.
yy E re ka a mo rata thata o mo reketse diaparo tse dintle.
yy E rile a bona bana ba gagwe, a ba tlamparela.
yy Ntsiana motho yo Mothusi ke mogoloo?

2. Lekopanyi le dirisiwa fa gare mo seeleng


yy A re ke mo fe madi boo ke a bereka.
yy Ba nna fela kwa masimo le mororo ditiro di le mo gae.
yy Mo okeletse gonne o tshwerwe ke tlala.

3. Lekopanyi le dirisiwa kwa bofelong jwa seele


yy Bana bao ba a itsane go riana?
yy Ee! Ke utlwile sengwe jaanong.
yy Mm! Ke a mo rata gone.
yy Senakangwedi ga a utlwe kante?

Tiriso ya lekopanyi mo puong


Lekopanyi le tshwanetse go dirisiwa ka fa tshwanelong. Fa
lekopanyi le sa dirisiwa sentle le senya bokao.

Lebelela diele tse di mo moalong o:

Lekopanyi le dirisitswe sentle Lekopanyi le sa dirisiwa sentle


A re ke mopege boo ke na le koloi. Ke a mo rata boo o montle.
Di a tura ntswa di onetse. Morumi o nonne ntswa a le makgakga.
O rata dilo mme a le maswe. Mosarasarane o taboga thata mme o ile go
emela lefatshe la Botswana.

Lelatlhelwa
lelatlhelwa ke karolo ya puo e e dirisiwang go tsibosa. Ke sone
se nako e nngwe le bidiwang letsibosi. Letsibosi le dirisiwa go
tsibosa batho kgotsa diphologolo mo puong.

Dikai
yy Kibi! A etswe mo ntlong e tloga e senya.
yy Owaii! O a bo o re o ka betsa mang o sa nonofa jaana?
yy Nnyaa! Ga ke ise ke dumalane le ene.

20
Dikarolo tsa puo

yy Aoo! Mosadinyana wa batho o golafaditswe ke khuti ya


matlakala.

Mefuta ya malatlhelwa
Malatlhelwa a ka kgaoganngwa ka mefuta e le meraro e leng
malatlhelwa a tlholego; malatlhelwa a a tswang mo dikarolong
tse dingwe tsa puo; le malatlhelwa a seka-taelo.

1. Malatlhelwa a tlholego
yy E-e! Ga ke a tla maaabane.
yy Aa! O montle jang ne mma.
yy Puraa! A di tle go tsena mo lesakeng.
yy Bii! Thusang ntlo ya me e a a.

2. Malatlhelwa a a tswang mo dikarolong tsa puo


yy Wena! O tlaa bolawa ke batho fa o sa itlhokomele.
yy Monna! E gaketse pula ya monogwaga.
yy Mothusi! Tlogela go tshameka ka metsi.

3. Malatlhelwa a seka taelo


yy Ke gone! Tlholang sentle.
yy Bagaetsho! Ke tlile go lo lekola.
yy Tsela tshweu! O tsamaye ka pula morwarre.
yy Tebogo wee! Mme o a go bitsa.
yy Nkadime ditlhako tseo tlhe!

Tiriso / bokao jwa malatlhelwa


Malatlhelwa a ka dirisiwa go supa maikutlo a a farologaneng.

1. Go dumela kgotsa go dumalana


yy Ee! Ke rata thata fa o bua jalo.
yy Autlwa hee! Ka na ke itsile gore fa e le wena go tlaa
kgonagala.

2. Go ganetsa kgotsa go sa dumalane


yy Nnyaa! Ga ke batle go reka dikgomo gompieno.
yy E-e! Batho ba ba batla go re tsietsa!
yy O! O batla go sala o ntima ke ile go tshameka?

21
Dikarolo tsa puo

3. Go nyatsa
yy Owaai! Setlhopha sa lona ke magogorwane wa bofelo.
yy Okh! E kare o koafetse jaana o bo o re o ka belega
ngwana.

4. Go gakgamala
yy Aa! Ke ne ke sa lemoge gore o montle jaana.
yy Thaka! Kgomo e e kgona go tlola terata e telele jaana?

5. Go kopa thuso
yy Ijoo! Ke tlhasetswe ke magodu.
yy Bii! Batho nthusang ntlo ya me e tsewa ke diphefo.

6. Go utlwa setlhabi
yy Ii! Mutlwa o ntlhabile mo leotong.
yy Tshutshu! Ke gatile legala le le molelo.

7. Go belaela sengwe
yy Ao! A o raya gore dipodi di tla goroga tota?

8. Go utlwela botlhoko
yy Aoo! Tonki ya Modimo e bolailwe ke koloi.

9. Go tlotla motho yo mongwe


yy A re bo kgaogane kgabo!
yy Dumela kwena!

10. Go buisa batho


yy Bagaetsho! Ke tla a ema go le kalo gore lo botse
dipotso.
yy Batho betsho! Lekgotla la borre mabapi le HIV/AIDS
(Men sector) le eme ka dinao.

Leetsisi
Leetsisisi ke karolo ya puo e e dirisiwang go etsa dilo tse di
farologaneng. Le lone fela jaaka lelatlhelwa le senola maikutlo
mme go gatelelwa bokao jwa ka fa dilo di diragalang ka teng
kgotsa di lebegang ka teng.

22
Dikarolo tsa puo

Dikai
yy Setlhare se ne sa re kgwaaa! Fa se robiwa ke diphefo tsa
matsubutsubu.
yy Re sa le re bona kgomo e re piriga! Mo sakeng fa tlhobolo e
sena go lela.
yy Tlhaga e medile e bile naga e ntse e re tala!

Maetsisi a a farologaneng
1. Maetsisi a go boelediwang dinoko
yy Noga e ne ya re lelelele! Mo mosimeng.
yy Utlwa kodu ya maru jaaka a ntse a re tididitididi! Go
raya gore pula e tlaa na.
yy Pula e ntse e re sarasara! Kwa ntle.

2. Maetsisi a go lelefadiwang modumo wa bofelo.


yy Matlho a gagwe a rile hubee! E kare o gasitswe thilisi.
yy Keitheile o rile tuu! Ke belaela gore o akanya thata.

Tiriso ya leetsisi
Leetsisi le ka dirisiwa go etsa modumo, tiragalo le tebego ya
dilo tse di farologaneng.

1. Leetsisi le etsa modumo.


yy Ke eng se se reng ruthu! Ka fa morago ga ntlo?
yy E rile phala e re tshwerrr! Ba betsega ka lobelo lo
logolo.
yy Fa o utlwa go ntse go re waaaa! Jaana, go raya gore
molapo o tletse.

2. Leetsisi le etsa tiragalo


yy E ne ya re re atamela boSelefo ba re nyele! Re ntse re
ba lebile.
yy Mmutle o ne wa re betse! Ka lobelo fa o bona dintsa.
yy Go ne ga re gatse! Fa dirukutlhi di tsena ka kgoro ya
marekisetso.
yy Legadima le ne la re phatsi! Mme ga latela go thunya
ga maru.

23
Dikarolo tsa puo

3. Leetsisi le etsa tebego


yy Lenaga le rile setlhe! Tota gatwe pula e tlaa na leng?
yy Fa re ntse re itisitse go ne ga re tshoo! E le jaaka o
tsamaile motlakase.
yy Ditamati tsa me di rile hubee! Ke raya gore di budule
go butswa.

24
Tiriso ya dikarolo tsa puo

Tiriso ya dikarolo tsa puo


Sediri
Sediri ke karolo ya puo e e leng gore mogopolo wa seele o
remeletse mo go yone kgotsa re ka re se tota go buiwang ka
sone mo seeleng.

Dikai
yy Basimane ba tshamekile kgwele ya dinao sentle maabane
yy Dikgomo tsa mai di busetsa dipoelo tse dikgolo mo
kgwebong.
yy Melao mengwe ya sekolo e bogisa ba ba sa e obameleng.

Mafoko a a mmala mo dieleng tse di fa godimo ke sediri.

Sedirwa
Sedirwa ke karolo ya puo e e supang gore tiro e dirwa mo go
yone.

Dikai
yy Batho ba rekisa ditlhako tsa setso kwa Gaborone.
yy Puso e ila kgokgontsho ya bana ba bannye thata.
yy Batsadi ba rata bana ba ba reetsang dikgakololo tsa bone.

Mafoko a a mmala fa godimo ke sedirwa Ela tlhoko


Karolo ya puo e e
Tiri dirisiwang jaaka sediri
Tiri ke karolo ya puo e e senolang tiro e e diriwang mo le sedirwa ke leina.
seeleng. Ke sone se lediri e leng bontlhabongwe jwa tiri.
Legokedi la sediri fa le kopana le lediri, di aga tiri.

Dikai
yy Ditlhare tse dileele di wetse dikoloi kwa kokelong.
yy Bomme ba Mookane ba kgobokanyetsa letlole la masiela
madi.

25
Tiriso ya dikarolo tsa puo

yy Baagi ba segompieno ba rata ditena tse dikhibidu fa ba aga


mantle.

Tiri e tsamaisana le dipaka tse tiro e diragetseng mo go tsone.

Dikai
yy Batswana ba ne ba bina mmino wa setso ka Boipuso.
yy Thuo ya dikoko e tlaa busetsa bagwebi mo go itumedisang.

26
Molokololo wa seele

Molokololo wa seele
Seele se se feletseng se tshwanetse go nna le sediri, tiri le
sedirwa ka go tlhomagana ga tsone. Fa se le seleele se nna le
tlhaodi e tlhaola sediri kgotsa sedirwa; le tlhalosi e tlhalosa
tiri.
Monna yo moleele o nyetse mosadi ngogola.
Monna sediri
yo moleele tlhaodi
o nyetse tiri
mosadi sedirwa
ngogola tlhalosi

Seele fa se kgaoganngwa ka dikarolo tsa puo jaaka fa godimo,


se a bo se lokololwa.

Dikai
Diele tse di fa tlase di tlaa kgaoganngwa ka dikarolo tsa puo
mo moalong o o fa tlase ga tsone.
yy Basimane ba baleele ba rata dijo mo go feteletseng.
yy Kgwebo ya temo thuo e godisa itsholelo thata.
yy Dikoko tse di lelang di bone kgwathe mo setlhareng.
yy Dikhompiutara tsotlhe di nyeleditse metsotso ya phuthego
bosigo.
yy Basetsana ba bararo ba tsere sekgele mo kgaisanong ya
mmabontle.

Sediri Tlhaodi Tiri Sedirwa Tlhalosi


Basimane ba baleele ba rata dijo mo go feteletseng
Kgwebo ya temothuo e godisa itsholelo thata
Dikoko tse di lelang di bone kgwathe mo setlhareng
Dikhompiutara tsotlhe di nyeleditse metsostso bosigo
ya phuthego
Basetsana ba bararo ba tsere sekgele mo kgaisanong

27
Ngotlo ya dikarolo tsa puo

Ngotlo ya dikarolo tsa puo


Ngotlo ke nyenyefatso ya dikarolo tsa puo di akaretsa leina,
tlhaodi le letlhalosi. Megatlana ke e e latelang: /-nyana/,
/-nyane/, /-ana/, /-ane/. Megatlana e ya ngotlo e ka dirisiwa
ka go faapakanngwa.

Ngotlo ya maina
Leina Mogatlana /-nyana/ Mogatlana /-ana/ kana
kana /-nyane/ /-ane/
koko kokonyana kokwana
podi podinyana potsane
kobo kobonyana kojwana
pampiri pampirinyana pampitshana
kolobe kolobenyana kolojwane

Ngotlo ya tlhaodi
Tlhaodi Tlhaodi e e ngotlilweng
e nala e naana
e ntsho e tshwana
tse ditshweu tse di tshwaana
e tilodi e tilotsana
e khunou e khunwana

Ngotlo ya matlhalosi
Matlhalosi Matlhalosi a a ngotlilweng
gaufi gautshwane
thata thatanyana
fa pele fa pelenyana / fa pejana
kwa morago kwa moragonyana
phakela phakelanyana

28
Ngotlo ya dikarolo tsa puo

Medumo e e fetogang fa go ngotliwa


Fa go ngotliwa dikarolo tsa puo go dirisiwa megatlana /-ana/
kgotsa /-ane/ medumo mengwe mo dikarolong tse tsa puo e a
fetoga mo lefokong le le ngotlilweng.

Karolo ya puo Karolo ya puo Medume e e


E e ngotlilweng fetogileng
molapo molatswana p > ts
phefo phewana f>
kobo kojwana b>j
pampiri pampitshana r > tsh
madi matsana d > ts
Kgakala Kgakajana l>j
e tilodi e tilotsana d > ts
gaufi gautshwane f > tsh
yo o botlhale yo o botlhajana l>j

Bokao jwa ngotlo


1. Ngotlo e ka kaya bonamagadi mo diphologolong. Se se
diragala fela fa go dirisiwa dithito tsa letlhaodi le tlhaola
ka mmala. Bokao jo jwa ngotlo bo senoga fela mo
diphologolong.
yy Kgomo e naana e tsetse maabane.
yy Podi e phatshwana e gwetswe kgwedi e e fetileng.
yy Nta e tshetlhana e rata go sireletsa dintanyana tsa
yone.

2. Ngotlo e ka kaya lorato / boitumelo


yy Dipodinyana tsa me di tsetse dipotsane tse dikima ke
a go bolelela.
yy O ne a gata kgarejwana ya me fa a tlaa ikgapela
sekgele.
yy A bontle jwa ntlonyana ya gago tsala ya me.

29
Ngotlo ya dikarolo tsa puo

3. Ngotlo e ka kaya lonyatso


yy Molatswana o, o a bo o re o ka tsaya motho?
yy Nkadime tlhe penenyana e e fedileng eo ya gago.
yy Molemi o a bo a ka re feta ka kolotsana e e
phephethang mesi jaana?

4. Ngotlo e ka kaya kutlwelobotlhoko


yy Mosadimogolonyana wa batho o palelwa ke go
tsamaya.
yy Bona jaaka dikgomo di obotlile dijalonyana tsa me
mo go botlhoko.
yy Ditshwenyana tsa mogolo di tsenwe ke bolwetse.

5. Ngotlo e ka kaya bonnye jwa selo. Bokao jo bo senoga


fela fa go dirisiwa dilo tse di nang le kgonagalo ya go
gola jaaka bana ba ditshedi.
yy Tau e rata go sireletsa ditawana tsa yone.
yy Kokwana e wetse mo metsing e re e a nwa.
yy Maebanyana a Modimo a bolailwe ke tlala ka mmaao
a sule.
yy Ditlhatshana tsame di a gola ka gore di a nosediwa.

30
Bokao jwa dikarolo tsa puo

Bokao jwa dikarolo tsa puo


Dikarolo tsa puo fa di dirisitswe mo puong, di senola bokao.
Bokao jwa karolo nngwe le nngwe ya puo bo laolwa ke ka fa
e dirisitsweng ka teng. Gantsi bokao jwa karolo ya puo bo
senola maikutlo a mokwadi kgotsa mmui.

Puisano e e fa tlase e supa bokao jwa dikarolo dingwe tsa puo.

Mokgabo: Waitseee! Mmata, ga o ka ke wa dumela se ke se


buang
Nunu: Tswa ka tsone dikgang, go rileng?
Mokgabo: Ke tswa go bona molekane wa me e bong Thato
a tsabakela mo kgwebong a re o dirisa lenaneo
la LIMID. A nna fa fatshe a ntlhalosetsa ka fa
balemisi ba mo thusitseng ka teng. A re o ne a
tsaya dithuso tseo ka go di garumela mme a atlega
e bile o na le dipodi di le lekgolo. Ke fa ke mo
reeditse ka botswapelo.
Nunu: Ao! tsala ya me, moo ka na ke yone khumo tota.
A mme ruri rona boNunu re ka kgona? Ka na
dilo tse dingwe tse ga di batle matshamekwane, di
batla motho yo a ka tlhoafalang jaaka Thato.
Mokgabo: Nna mma ke tla palelwa ke kgaratlhile. Ke ya go
itepa lesego. Fa ke ka thusiwa ke tla ngakalala go
fitlhelela ke atlega.

Karolo ya puo Bokao go ya ka tiriso


waitseee! go gakgamala
tsone go gatelela
tsabakela boitumelo / lorato / go kgatlhega
nna go iketla
garumela lorato / go tlhoafalela
botswapelo go kgatlhega / lorato
tota go gatelela
ruri go inyatsa/ go ipelaela / go itlhoboga
kgaratlhile tsholofelo
ngakalala boitshoko

31
Go logagana ga puo

Go logagana ga puo

Dikarolo tsa puo ke mafoko le diejana.

Mafoko le diejana di aga diele tse di nang le


bokao.

Diele di aga ditemana tse dinang le megopolo


e e feletseng.

Ditemana di aga dipolelo, dikwalo, dipego,


dipuiso le dipuisano.

32

You might also like